Matthew 26

1Mme e rile Jesu a sena go fetsa puo e le barutwa ba gagwe a ba raya a re,

2“Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa.”

3Ka lone lobaka loo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bangwe ba Sejuda ba phuthegela kwa kgotleng ya ga Kaiafase moperesiti yo mogolo, 4go gakololana ka maano a go tshwara Jesu ka bokukuntshwane go mmolaya. 5Mme ba dumalana ba re, “Eseng ka modiro wa Tlolaganyo, gonne go ka tsoga pheretlhego.”

Jesu o tlodiwa lookwane

6Foo Jesu a tswela kwa Bethania, kwa legaeng la ga Simone wa molepero. 7Mme ya re Jesu a sa ntse a a ja ga tla mosadi mongwe a tshotse lebotlolo la setlolo se se tlhwatlhwa kgolo, mme a se tshela mo tlhogong ya gagwe.

8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 26:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 26:8-9.
Barutwa ba ne ba gakatsega ba re, “A tshenyo ya madi a magolo! O ka bo a se rekisitse madi a mantsi mme a a abela bahumanegi.”

10Jesu a itse se ba se akanyang, mme a re, “Ke eng fa lo mo tshwaya phoso? Gonne o ntiretse tiro e ntle thata. 11Lo tlaa aga lo na le bahumanegi, mme ga lo na go nna le nna ka malatsi otlhe. 12O tshetse setlolo se mo go nna go baakanyetsa mmele wa me go fitlhwa. 13Mme o tlaa aga a gopolwa ka tiro e. Polelo ya se a se dirileng e tlaa bolelwa mo lefatshing lotlhe, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang teng.”

Judase o rulaganya go oka Jesu

14Judase Isekariota, mongwe wa baaposetoloi ba ba some le bobedi a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti, 15mme a botsa a re, “Lo tlaa ntuela bokae go tsenya Jesu mo diatleng tsa lona?” Mme ba mo naya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo. 16Mme go simologa ka lobaka loo, Judase a batla lebaka le le siameng la go ba okela Jesu.

Selalelo sa Bofelo

17Mo letsatsing la ntlha la mediro ya Tlolaganyo, fa senkgwe se se sa bidisi wang se se, tswang mo malapeng a a farologaneng a Sejuda se jewa, barutwa ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Re baakanyetsa go jela Moletlo wa Tlolaganyo kae?”

18A fetola a re, “Tsenang mo motseng lo fete lo bone rre semangmang, mme lo mo reye lo re, ‘Monnga rona a re, nako yame e gorogile mme ke tlaa jela dijo tsa Moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba me kwa tlong ya gago.’” 19Jalo barutwa ba dira jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo teng.

20
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 26:21.
21
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 26:20-21.
Mme ya re mo maabanyaneng ao fa a sa ntse a a ja le ba ba some le bobedi, a bua a re “Mongwe wa lona o tlaa nkoka.”

22Mme ba futsafala thata, mme mongwe le mongwe wa bone a botsa a re, “A ke nna?”

23A fetola a re, “Ke yo ke mo fileng sejo pele. 24Gonne ke tshwanetse go swa fela jaaka go porofitilwe, mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo thata fa yoo a ka bo a na a seka a tsalwa.”

25Judase le ene, o ne a mmotsa a re, “Moruti, a ke nna?” Mme Jesu a mo raya a re, “Ke wena.”

26Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa, a se ngathoganya a se neela barutwa a re, “Tsayang lo je gonne se ke mmele wa me.”

27Gape a tsaya senwelo sa mofine a se segofatsa, a se ba neela a re, “Mongwe le mongwe a nwe, 28gonne se ke madi ame, a a kanelang Kgolagano e Ncha. A tshololelwa go itshwarela dibe tsa bontsintsi jwa batho. 29Tlhokomelang mafoko a me: Ga ke na go tlhola ke nwa mofine o gape go fitlhelela letsatsi le ke tlaa o nwang le lona o le mosha mo Bogosing jwa ga Rre.”

30Mme ya re ba sena go opela sefela, ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.

Jesu o bolelela Petere ka go mo itatola

31Mme Jesu a ba raya a re, “Bosigong jono, lotlhe lo tlaa mphatlalalela. Gonne go kwadilwe mo Dikwalong gore Modimo o tlaa itaya modisa, mme letsomane la dinku le tlaa phatlalala. 32Mme morago ga ke tsosiwa ke tlaa ya Galalea, go lo rakantsha teng.”

33Petere a mo fetola a re, “Fa botlhe ba ka go tlogela, nna ga ke na go go tlogela.” 34Jesu a mo raya a re, “Boammaaruri ke gore mo bosigongjono, pele ga mokoko o lela ka nako ya mahube maphakela, o tlaa bo o intatotse gararo!”.

35Petere a fetola a re, “Go ka swa nna pele.” Mme le barutwa ba bangwe botlhe ba bua fela jalo.

Jesu o rapela kwa Gethesemane

36Hong Jesu a ba lere fa moseleng wa tshimo ya Gethesemane, mme a ba raya a re ba nne fa fatshe mme ba lete foo a sa ntse a tsamaela fa pele go ya go rapela. 37A tsaya Petere le bomorwa Sebede ba babedi Jakobe le Johane, mme a simolola go hutsafala le go huduega.

38Mme a ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata o bile o utlwile botlhoko mo go isang losung: Lo lebelele le Nna.”

39A ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re, “Rara! Fa go kgonega, a senwelo se se tlosiwe fa go nna. Mme ke batla thato ya gago, eseng ya me.”

40Mme a boela morago kwa barutweng ba bararo mme a ba fitlhela ba thulametse. Mme a bitsa Petere a re, “a lo no lo ka seka lwa lebelela le nna ka lobaka lwa selekanyo sa oura fela? 41Lebelelang lo rapele. Esengjalo thaelo e tlaa lo fenya. Gonne mowa tota o a rata, mme mmele o bokoa thata!”

42Gape a ba tlogela a ya go rapela, a re, “Rara! Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa ke sa se nwe sotlhe, a go rata ga gago go diragale.”

43A boela kwa go bone mme a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba otsela thata, 44mme a boela gape mo thapelong lwa boraro, a boelela mafoko a o neng a ntse a a bua.

45Hong a tla kwa barutweng a re, “Robalang lo itapoloseng, bonang! Nako e gorogile, ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula! 46Tsogang; a re tsamayeng! Bonang, motho yo o nkokang ke yoo o e tla!”

Go tshwarwa ga ga Jesu

47Mme ya re ka lona lobaka loo a ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a goroga le bontsi jo bogolo jwa batho ba tshotse dichaka le melamu ba romilwe ke Baeteledipele ba Sejuda. 48Judase o na a ba reile a re ba tshware yo o tlaa mo dumedisang gonne e tlaa bo e le ene yo ba mmatlang. 49Hong Judase a tla a tlhamalaletse kwa go Jesu a re, “Dumela Morena!” Mme a mo tlamparela ka tsela ya go atla ka lorato lo lo feteletseng lwa tlhologelelo.

50Jesu a re, “Tsala ya me, tswelela pele o dire se o se tletseng.” Hong ba bangwe ba mo tshwara. 51Mongwe wa banna ba ba patileng Jesu a somola chaka a kgaola tsebe ya motlhanka wa Moperesiti yo mogolo.

52Mme Jesu a mo raya a re, “Baya chaka ya gago, ba ba dirisang dichaka ba tlaa bolawa. 53A ga o lemoge gore ke ne ke ka kopa Rre dikete tsa baengele go re sireletsa, mme o na a ka ba roma gone fela ka nako eo. 54Mme fa nkabo ke dirile jalo; Dikwalo di ne di ka diragadiwa jang tse di tlhalosang se se diragalang jaanong jaana?”

55Hong Jesu a bua le bontsintsi jwa batho a re, “A ke serukutlhi se se diphatsa, mo lo neng lwa tshwanelwa ke go tsaya dichaka le melamu pele ga lo ntshwara? Ke ntse le lona ka malatsi otlhe ke ruta mo Tempeleng mme ga lo ise lo ke lo nkganele. 56Mme mo gotlhe ga diragala go diragatsa mafoko a baporofiti jaaka a kwadilwe mo Dikwalong.”

Jesu o sekisiwa ke ditlhogo tsa Bajuta

57Hong bontsi jwa batho jwa mo isa kwa legaeng la ga Kaiafase Moperesiti yo mogolo, kwa baeteledipele botlhe ba Sejuda ba neng ba phuthegetse teng. 58Mme e rile ka yone nako eo Petere a bo a le kgakala a mo setse morago, mme a tla mo kgotleng ya moperesiti yo mogolo a tsena mo teng a nna le masole, mme a emela go bona se se neng se tsile go diragalela Jesu.

59Ditlhogo tsa baperesiti le lekgotla lotlhe le le tona la Sejuda tsa phuthaganela teng mme tsa senka basupi ba ba ka buang maaka ka ga Jesu, go mo direla kgang e e ka felelang ka katlholo ya loso. 60
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 26:61.
61
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 26:60-61.
Mme le fa ba ne ba bona bontsi jo bo neng jwa dumalana go nna basupi ba eseng ba boammaaruri, bone bao ba ne ba aga ba ganetsanya. Lwa bofelo ga bonwa banna ba le babedi ba ba neng ba supa ba re, “Monna yo o rile, ‘Ke kgona go senya Tempele ya Modimo ke bo ke e age mo malatsing a mararo’
62Hong Mo peresiti yo Mogolo a ema ka dinao a raya Jesu a re, wa reng ka ga gone? A o buile jalo kgotsa nnyaa?” 63Mme Jesu a didimala fela. Jalo Moperesiti yo Mogolo a mo raya a re, “Ke go ikanisa mo leineng la Modimo o o tshedileng gore o re bolelele gore a o ipitsa Mesia Morwa Modimo.”

64Mme Jesu a re, “Ee, ke ene. Mme e tlaa re mo malatsing a a tlang lo tlaa mpona, Nna Morwa Motho, ke ntse ka fa lebogong le legolo la Modimo ke tla ka maru a legodimo.” 65
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 26:66.
66
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 26:65-66.
Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a goa a re, “O a tlhapatsa! Re sa ntse re tlhokelang basupi ba bangwe? Lo mo utlwile lotlhe a buajalo! Katlholo ya lona ke efe?” Ba gowa ba re, “A a bolawe! A a bolawe! A a bolawe!”
67Hong ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo itaya mme ba bangwe ba mo phanya. 68Ba re, “Re porofesetse, wena Mesia ke mang yo o nang a go itaya ka nako ele?”

Petere o itatola Jesu

69Mme e rile ka lobaka loo, fa Petere a ntse mo kgotleng, mosetsana a tla kwa go ene a mo raya a re, “O ne o na le Jesu, gonne lotlhe lo tswa Galalea.”

70Mme Petere a itatolela kwa godimo a gaketse a re, “Ga ke itse se o buang ka sone.”

71Mme ya re a sena go tswa ka kgoro, mosetsana yo mongwe a mo lemoga, mme a raya ba ba neng ba eme foo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu wa Nasaretha.”

72Gape Petere a itatola, ka ikano a re “Ga ke itse monna yo.”

73Mme morago ga lobakanyana banna ba ba neng ba eme foo ba tla kwa go ene ba re, “Re itse gore o mongwe wa barutwa ba gagwe, gonne re utlwile loleme lwa gago lwa Segalalea.”

74Petere a simolola go rogakana le go ikana a re, “Ga ke itse monna yo.” Mme ka bofefo mokoko wa lela. 75Hong Petere a gakologelwa se Jesu a se mo reileng fa a re, “Pele ga mokoko o lela o tlaa bo o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko.
Copyright information for TsnLEF